tn_1sa_text_reg/21/08.txt

1 line
504 B
Plaintext

\v 8 Tafita a raya Ahimeleke a re, ''Jaanong gone fa a ga gona segai kgotsa tshaka e e leng teng? Gonne ga ke a tla ke tshotse tshaka kgotsa sepe sa dibetsa tsa me, gonne thomo ya ga kgosi e ne e le ya potlako.'' \v 9 Moperesiti a re, ''Tshaka ya ga Goliate wa Mofilisitia, yo o mmolaileng kwa mokgatsheng wa Ela, e teng fa e phuthetswe ka letsela fa morago ga sekhutlana. Fa o batla go e tsaya, e tsee, gonne ga go na sebetsa sepe fa.'' Tafita a re, ''Ga go na tshaka e nngwe e e gaisang eo; e nneele.''