tn_1sa_text_reg/20/28.txt

1 line
400 B
Plaintext

\v 28 Jonathane a araba Saulo, ''Tafita o ne a nkopa thata gore ke mo letle go ya Bethelehema. \v 29 O ne a re, 'Tsweetswee ntetle go tsamaya. Gonne ba lelwapa la ga rona ba na le setlhabelo mo toropokgolong, mme mogolole o ntaotse gore ke nne teng. Jaanong, fa ke bone botsalano mo matlhong a gago, tsweetswee ntese ke tsamae ke ye go bona barwarre.' Ka lebaka le ga a a tla kwa tafoleng ya kgosi.''