tn_1sa_text_reg/20/17.txt

1 line
499 B
Plaintext

\v 17 Jonathane a dira gore Tafita a ikane gape ka ntata ya lerato le a neng a mo rata ka lone, gonne o ne a mo rata jaaka a rata mowa o e leng wa gagwe. \v 18 Foo Jonathane a mo raya a re, ''Kamoso ke ngwedi o mosha. Go tsile go bonala gore ga o yo gonne setilo sa gago se tsile sala se sena ope. \v 19 Fa o se na go nna matsatsi a mararo, fologela kwa tlase ka bonako mme o tle kwa lefelong le o kileng wa iphitlha kwa go lone fa kgang e santse e tsweletse, mme o nne fa thoko ga letlapa la Esele.