tn_1sa_text_reg/20/12.txt

1 line
511 B
Plaintext

\v 12 Jonathane a raya Tafita a re, ''A Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, a nne mosupi. Fa ke sena go botsa rre ka nako e e tshwanang le e kamoso, kgotsa mo letsatsing la boraro, bona, fa dilo di siametse Tafita, a ga ke na go roma mongwe mme ka dira gore o itse? \v 13 Fa go itumedisa rre go go golafatsa, a Modimo Yahweh a dire Jonathane mme a mo dire go le gontsi gape fa ke sa go itsise ke bo ke go golola gore o tsamae, gore o tle o tsamae ka kagiso. A Modimo Yahweh a nne le wena jaaka a ne a na le rre.