tn_1sa_text_reg/19/18.txt

1 line
459 B
Plaintext

\v 18 Jaanong Tafita a tshaba mme a falola, mme a ya kwa go Samuele kwa Rama, mme a mmolelela tsotlhe tse Saulo a di mo dirileng. Foo ene le Samuele ba tsamaya ba ya go nna kwa Naiothe. \v 19 Ga bolelelwa Saulo, gotwe, ''Bona, Tafita o kwa Naiothe kwa Rama.'' \v 20 Foo Saulo a roma barongwa go tshwara Tafita. Fa ba bona setlhopha sa baporofiti se porofita, mme Samuele a se eteletse, Mowa wa Modimo wa tla mo barongweng ba ga Saulo, mme le bone ba porofita.