tn_1sa_text_reg/19/10.txt

1 line
399 B
Plaintext

\v 10 Saulo a leka go tlhabela Tafita mo leboteng ka segai, mme a relela a tswa mo bolengteng jwa ga Saulo, mo Saulo a neng a tlhabela segai mo leboteng. Tafita a tshaba a falola bosigo joo. \v 11 Saulo a romela barongwa kwa ntlong ya ga Tafita go mo leba gore a tle a mmolae mo mosong. Mikale, mosadi wa ga Tafita, a mmolelela, ''Fa o sa boloke botshelo jwa gago bosigo jono, kamoso o tla bolawa.''