tn_1sa_text_reg/17/39.txt

1 line
512 B
Plaintext

\v 39 Tafita a bofelela tshaka ya gagwe mo diaparong tsa gagwe tsa phemelo. Mme o ne a sa kgone go tsamaya, gonne o ne a sa ikatisa ka tsone. Foo Tafita a raya Saulo a re, ''Ga ke ka ke ka tswa ka ya go lwa ka dilo tse, gonne ga ke a ikatisa ka tsone.'' Jalo Tafita a di apola. \v 40 A tsaya thobane ya gagwe mo seatleng sa gagwe, mme a tlhopha matlapa a a borethe a le matlhano mo mokgatsheng; a a tsenya mo sepatsheng sa modisa sa gagwe. Seragantswana sa gagwe se ne se le mo seatleng fa a atamela Mofilisitia.