tn_1sa_text_reg/17/19.txt

1 line
454 B
Plaintext

\v 19 Bomogoloo ba na le Saulo le banna botlhe ba Iseraele mo mokgatsheng wa Ela, ba lwa le Bafilisitia.'' \v 20 Tafita a tsoga makuku mo mosong mme a tlogela letsomane mo tlhokomelong ya modisa. O ne a tsaya mohago mme a tsamaya, jaaka Jese a mo laotse. A goroga mo kampeng ka nako e sesole se neng se bolola go ya patlelong ya ntwa se goeletsa go goa ga ntwa. \v 21 Mme Iseraele le Bafilisitia ba tsena mo meleng ya ntwa, sesole se lebaganye le sesole.