tn_1sa_text_reg/16/14.txt

1 line
506 B
Plaintext

\v 14 Jaanong Mowa wa Modimo Yahweh wa tlogela Saulo, mme boemong jwa moo mowa o o bolayang o o tswang kwa go Modimo Yahweh wa mo tshwenya. \v 15 Batlhanka ba ga Saulo ba mo raya ba re, ''Bona, mowa o o bolayang o o tswang kwa go Modimo Yahweh o a go tshwenya. \v 16 A mong wa rona a laole batlhanka ba gagwe ba ba fa pele ga gago go batla monna wa moletsi yo o manontlhotlho wa harepa. Foo e tla re fa mowa o o bolayang o o tswang kwa go Modimo Yahweh o le mo go wena, o tla e letsa mme o tla itekanela.''