tn_1sa_text_reg/16/04.txt

1 line
389 B
Plaintext

\v 4 Samuele a dira jaaka Modimo Yahweh a buile, mme a ya kwa Bethelehema. Bagolwane ba toropokgolo ba ne ba roroma fa ba tla go kopana le ene mme ba re, ''A o tla ka kagiso?'' \v 5 A re, ''Ka kagiso; ke tsile go ntshetsa Modimo Yahweh setlhabelo. Ipaakanyetseng go itlhaola mme le tle le nna kwa setlhabelong.'' Mme a tlhaolela kwa thoko Jese le barwae a bo a ba laletsa kwa setlhabelong.