tn_1sa_text_reg/15/20.txt

1 line
405 B
Plaintext

\v 20 Foo Saulo a raya Samuele a re, ''E le ruri ke diragaditse lentswe la Modimo Yahweh, mme ke tsamaile mo tseleng e Modimo Yahweh a nthomileng mo go yone. Ke gapile Agage, kgosi ya Amaleka, mme ke nyeleditse Baamaleka gotlhelele. \v 21 Mme batho ba tsere dingwe tsa digapiwa - dinku le dipholo, dilo tse di gaisang tse di tlhaoletsweng go senngwa, go ntshediwa Modimo wa gago setlhabelo kwa Giligala.''