tn_1sa_text_reg/15/08.txt

1 line
393 B
Plaintext

\v 8 Foo a tsaya Agage kgosi ya Baamaleka a tshela; a nyeletsa gotlhelele batho botlhe ka bogale jwa tshaka. \v 9 Mme Saulo le batho ba boloka Agage, mmogo le dinku, dipholo, dinamane tse di nontshitsweng, le dikonyana tse di gaisang tse dingwe. Sengwe le sengwe se se molemo ba se ka ba se senya. Mme ba ne ba nyeletsa gotlhelele sengwe le sengwe se se neng se nyatsega e bile se sena mosola.