tn_1sa_text_reg/13/13.txt

1 line
449 B
Plaintext

\v 13 Foo Samuele a raya Saulo a re, ''O dirile boeleele. Ga o a tshegetsa taelo ya Modimo Yahweh, Modimo wa gago e a e go neileng. Gonne foo Modimo Yahweh o ka bo a tlhomile puso ya gago mo Iseraele ka bosakhutleng. \v 14 Mme jaanong go busa ga gago ga go na go tswelela. Modimo Yahweh o batlile monna yo o latelang pelo ya gagwe, mme Modimo Yahweh o mo tlhomile go nna kgosana ya batho ba gagwe, gonne ga o a nna kutlo mo go se a se go laotseng.''