tn_1sa_text_reg/13/03.txt

1 line
403 B
Plaintext

\v 3 Jonathane a fenya setlhopha sa masole a Bafiisitia a a neng a le kwa Geba, mme Bafilisitia a utlwalela se. Foo Saulo a letsa torompeta go ralala lefatshe lotlhe, a re, ''A Bahebera ba utlwe.'' \v 4 Iseraele yotlhe ya utlwa gore Saulo o fentse setlhopha sa masole sa Bafilisitia, le gore Iseraele o fetogile monko wa sebodu mo Bafilisitieng. Foo masole a bidiwa go tshwaragana le Saulo kwa Giligala.