tn_1sa_text_reg/12/19.txt

1 line
516 B
Plaintext

\v 19 Foo batho botlhe ba raya Samuele ba re, ''Rapelela batlhanka ba gago Modimo Yahweh, Modimo wa gago, gore re se ka ra swa. Gonne re okeditse mo godimo ga maleo a rona ka bosula jo jwa go ikopela kgosi.'' \v 20 Samuele a fetola, ''Le se ka la boifa. Le dirile bosula jotlhe jo, mme le se ka la hularela Modimo Yahweh, mme le direle Modimo Yahweh ka pelo ya lona yotlhe. \v 21 Le se ka la mo hularela la ya le dilo tse di senang mosola tse di ka sekang tsa le busetsa kgotsa tsa le namola, gonne ga di na mosola.