tn_1sa_text_reg/10/05.txt

1 line
429 B
Plaintext

\v 5 Morago ga moo, o tla fitlha kwa thabeng ya Modimo, kwa ditlhopha tsa masole a Bafilisitia di leng teng. Fa o fitlha kwa toropokgolong, o tla kopana le setlhopha sa baporofiti se tswa kwa lefelong le le kwa godimo se tshwere harepa, le seletare, le moropana, le fulutu; ba tla bo ba porofita. \v 6 Mowa wa Modimo Yahweh o tla goromela mo go wena, mme o tla porofita le bone, mme o tla fetolwa go nna monna yo o farologanyeng.