tn_1sa_text_reg/09/20.txt

1 line
494 B
Plaintext

\v 20 Fa e le ka ga ditonki tsa lona tse di neng di timetse matsatsi a mararo a a fetileng, le se ka la tshwenyega ka tsone, gonne di bonwe. Mme ke mang yo dikeletso tsotlhe tsa Iseraele di beilweng mo go ene? A ga se mo go wena le ntlo yotlhe ya ga rraago?'' \v 21 Saulo a araba mme a re, ''A ga ke Mobenjamene, go tswa kwa morafeng o monnye wa Iseraele? A kgotlana ya gaetsho ga se yone e e potlana mo dikgotlaneng tsotlhe tsa morafe wa Benjamene? Ke eng o mpuisa ka tsela e e ntseng jaana?''