tn_1sa_text_reg/09/05.txt

1 line
458 B
Plaintext

\v 5 Fa ba fitlha kwa lefatsheng la Sufu, Saulo a raya motlhanka wa gagwe yo o neng a na nae a re, ''Tlaya, a re boele morago, eseng jalo rre o tloga a tlhokomologa ditonki a bo a tshwenyega ka rona.'' \v 6 Mme motlhanka a mo raya a re, ''Reetsa, go na le monna wa Modimo mo toropokgolong e. Ke monna yo o tlotlegang; sengwe le sengwe se a se buang se nna boammaaruri. A re ye kwa teng kwa; gongwe o tla re bolelela gore re tsamaele kae mo leetong la rona.''