tn_1sa_text_reg/06/17.txt

1 line
598 B
Plaintext

\v 17 Tse ke dikaku tsa gauta tse Bafilisitia ba di buseditseng kwa go Modimo Yahweh e le moneelo wa go ipona molato: mongwe e le wa Ashetote, mongwe e le wa Gasa, mongwe e le wa Ashekelone, mongwe e le wa Gathe, mme mongwe e le wa Ekerone. \v 18 Dipeba di ne di lekana ka palo le ditoropokgolo tsotlhe tsa Bafilisitia tse e leng tsa babusi ba batlhano, gotlhe, ditoropokgolo tse di thatafaditsweng le metse ya tsone. Letlapa le le tona, le ba beileng letlole la Modimo Yahweh fa thoko ga lone, le ntse le tsweletse go nna mosupi go fitlha letsatsi leno mo tshimong ya ga Joshua wa Mobetheshemeshe.