tn_1sa_text_reg/06/07.txt

1 line
749 B
Plaintext

\v 7 Jaanong he, baakanyang kara e ntsha le dikgomo tse di amusang tse pedi tse di iseng di pegwe jokwe. Golegelelang dikgomo mo kareng, mme le ise dinamane tsa tsone gae, kgakala le tsone. \v 8 Foo le tsee letlole la Modimo Yahweh mme le le beye mo kareng. Bayang ditshwantsho tsa gauta tse le di busetsang kwa go ene e le moneelo wa go ipona molato mo lebokosong fa thoko ga letlole. Foo le le romele le ye kwa le yang teng. \v 9 Foo le lebe; fa le tlhatloga le ya mo tseleng ya kwa lefatsheng la lone le ya kwa Bethe Shemeshe, foo e tla bo e le Modimo Yahweh yo o dirileng sebetso se segolo se. Mme fa go sa nna jalo, foo re tla itse gore ga se seatla sa gagwe se se re tlhokofaditseng; boemong jwa moo, re tla itse gore go re diragaletse fela.''