tn_1sa_text_reg/06/03.txt

1 line
620 B
Plaintext

\v 3 Baperesiti le badupa mewa ba re, ''Fa le busetsa morago letlole la Modimo wa Iseraele, le se ka la le busa le sena mpho; dirang gotlhe go mo romelela moneelo wa go ipona molato. Foo le tla fodisiwa, mme le tla itse gore ke eng seatla sa gagwe se ne se sa tlosiwe mo go lona go fitlhelela jaanong.'' \v 4 Foo ba re, ''Re ntshe eng go nna moneelo wa go ipona molato o re o busetsang kwa go ene?'' Ba fetola, ''Dikaku tsa gauta di le tlhano le dipeba tsa gauta di le tlhano, palo ya botlhano e le palo e e lekanang le ya babusi ba Bafilisitia. Gonne leroborobo le le tshwanang, le tlhokofaditse lona le babusi ba lona.