tn_1sa_text_reg/04/19.txt

1 line
468 B
Plaintext

\v 19 Jaanong ngwetsi ya gagwe, mosadi wa ga Finehase, o ne a le moimana ebile a le gaufi le go belega. Fa a utlwa dikgang tsa gore letlole la Modimo le gapilwe, le gore matsalaagwe le monna wa gagwe ba sule, a khubama a belega, mme ditlhabi tsa go belega tsa mo hekeetsa. \v 20 Ka nako ya go swa ga gagwe, basadi ba ba neng ba mo thusa ba mo raya ba re, ''O se ka wa boifa, gonne o belege morwa.'' Mme o ne a se ka a araba le fa e le go isa se ba se buang kwa pelong.