tn_1sa_text_reg/03/07.txt

1 line
351 B
Plaintext

\v 7 Jaanong Samuele o ne a ise a nne le maitemogelo a go dirisanya le Modimo Yahweh, le fa e le molaetsa ope go tswa kwa go Modimo Yahweh a ise a o senolelwe. \v 8 Gape Modimo Yahweh a bitsa Samuele la boraro. Gape Samuele a ema ka dinao a ya kwa go Eli mme a re, ''Ke fano, gonne o mpiditse.'' Foo Eli a lemoga gore Modimo Yahweh o biditse mosimane.