tn_1sa_text_reg/03/01.txt

1 line
583 B
Plaintext

\c 3 \v 1 Ngwana Samuele a direla Modimo Yahweh ka fa tlase ga ga Eli. Lefoko la Modimo Yahweh le ne le sa tlwaelesega go utlwiwa mo matsatsing ao; go ne go sena ponatshegelo ya seporofito e e neng e bonala gantsi. \v 2 Ka nako eo, fa Eli, yo matlho a gagwe a neng a setse a simolotse go fifala mo a neng a sa bone sentle, o ne a rapame mo bolaong jwa gagwe. \v 3 Lebone la Modimo le ne le ise le time, mme Samuele o ne a rapametse go robala mo tempeleng ya Modimo Yahweh, fa letlole la Modimo le neng le beilwe teng. \v 4 Modimo Yahweh a bitsa Samuele, yo o neng a re, ''Ke fano.''