tn_1sa_text_reg/02/22.txt

1 line
428 B
Plaintext

\v 22 Jaanong Eli o ne a tsofetse thata; a utlwa tsotlhe tse barwae ba neng ba di dira Baiseraele botlhe, le ka fa ba neng ba robalana le basadi ba ba direlang fa kgorong ya tente ya bokopanelo. \v 23 A ba raya a re, ''Ke eng le dira dilo tse? Gonne ke utlwa ka ditiro tsa lona tse di bosula mo bathong botlhe ba. \v 24 Nnyaa, barwaaka; gonne pego e ke e utlwang ga e molemo. Le dira gore batho ba Modimo Yahweh ba tlhoke kutlo.