tn_1sa_text_reg/02/15.txt

1 line
562 B
Plaintext

\v 15 Mo go maswe, pele ba besa mafura, motlhanka wa moperesiti a tla, mme a raya monna yo o neng a ntsha setlhabelo a re, ''Ntsha nama gore ke besetse moperesiti; gonne ga a na go amogela nama e e apeilweng mo go wena, fa e se e tala.'' \v 16 Fa monna a ka mo raya a re, ''Ba tshwanetse go besa mafura pele, foo o bo o tsaya ka fa o batlang ka teng.'' Foo o tla bo a re, ''Nnyaa, o tla e nneela jaanong; e seng jalo, ke tla e tsaya ka dikgoka.'' \v 17 Boleo jwa bannana ba bo ne bo le bogolo fa pele ga Modimo Yahweh, gonne ba nyaditse moneelo wa Modimo Yahweh.