\v 4 \v 5 Mo matlhakoreng a mabedi a phatana e Jonathane a neng a batla go tsamaya ka yone gore a fitlhe kwa setlhopheng sa masole a Bafilisitia, go ne go na le mokgokolosa o o matlapa mo letlhakoreng le lengwe gape go na le mokgokolosa o o matlapa mo letlhakoreng le lengwe. Mokgolosa o o matlapa o mongwe o ne o bidiwa Bosese fa o mongwe o bidiwa Sene. Mokgokolosa o o matlapa o mongwe o ne o le mo bokone o lebaganye le Mikimashe, mme o mongwe o le kwa borwa o lebaganye le Geba.