\v 6 \v 7 Fa banna ba Iseraele ba bona gore ba mo mathateng - gonne batho ba ne ba patikesegile, batho ba iphitlha mo magageng, mo tshutlheng ya ditlhare, mo matlapeng a magolo, mo dipetseng, le mo mesimeng. Bangwe ba Bahebera ba ne ba kgabaganya Jorotane ba ya kwa lefatsheng la Gate le Gileate. Mme Saulo o ne a ntse a le kwa Giligala, mme batho botlhe ba ne ba mo setse morago ba roroma.