\v 29 \v 30 Ke eng, jaanong, o sotla ditlhabelo le meneelo ya me tse ke di batlang mo lefelong le ke nnang mo go lone? Ke eng o tlotla barwao go mpheta ka go inontsha ka meneelo e e gaisang ya batho ba me ba Iseraele?' Gonne Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele o bua a re, 'Ke solofeditse gore ntlo ya gago, le ntlo ya ga rraago, di tsamae fa pele ga me ka bosakhutleng.' Mme jaanong Modimo Yahweh a re, 'A go nne kgakala le nna gore ke dire se, gonne ke tla tlotla ba ba ntlotlang, mme ba ba nnyatsang nyadiwa.