\v 11 \v 12 Tafita o ne a sa boloke monna kgotsa mosadi go mo tsisa a tshela kwa Gathe, a re, ''Gore ba tle ba se ka ba bua ka rona ba re, 'Tafita o dirile se le se.''' Se ke se a neng a se dira nako yotlhe fa a nna kwa lefatsheng la Bafilisitia. Akhishi o ne a dumela Tafita, a re, ''O dirile gore batho ba gagabo ba Iseraele ba mo ile; jalo he o tla nna motlhanka wa me ka bosakhutleng.''