\v 12 Ba araba, mme ba re, ''O teng; bonang, o fa pelenyana ga lona. Itlhaganeleng, gonne o tla toropokgolong letsatsi leno, gonne batho ba ntsha ditlhabelo letsatsi leno kwa lefelong le le kwa godimo. \v 13 Fela jaaka le tsena mo toropokgolong le tla mmona, pele a ya go ja kwa lefelong le le kwa godimo. Batho ga ba na go ja go fitlhela a tla, gonne o tla segofatsa setlhabelo; morago ga moo ba ba laleditsweng ba tla ja. Jaanong tsamaelang kwa godimo, gonne le tla mmona ka pele.''