tn_1sa_text_reg/23/07.txt

1 line
475 B
Plaintext
Raw Normal View History

\v 7 \v 8 \v 9 Saulo a bolelelwa gore Tafita o ile kwa Keila. Saulo a re, ''Modimo o mo neetse mo seatleng sa me. Gonne o tswaletswe mo teng ka gore o tsene mo toropokgolong e e nang le diheke le mapako.'' Saulo a bitsa masole a gagwe otlhe go tla ntweng, go ya kwa tlase kwa Keila, go dikaganyetsa Tafita le banna ba gagwe. Tafita o ne a itse gore Saulo o mo logela segwenegwene gore a mo utlwise botlhoko. A raya Abiathara wa moperesiti a re, ''Tsisa sekhutlana kwano fa.''