tn_1sa_text_reg/18/17.txt

1 line
457 B
Plaintext
Raw Normal View History

\v 17 \v 18 Foo Saulo a raya Tafita a re, ''Morwadiake Merabe ke yo. Ke tla mo go neela go nna mosadi wa gago. Fela nna pelokgale ka ntata ya me, mme o lwe dintwa tsa Modimo Yahweh.'' Gonne Saulo o ne a akanya, ''A seatla sa me se se ka sa nna mo go ene, mme a seatla sa Bafilisitia se nne mo go ene.'' Tafita a raya Saulo a re, ''Ke mang, mme ba masika a me ke bomang, kgotsa ba masika a ga rre ke bomang mo Iseraele, mo ke ka nnang mokgwenyana wa kgosi?''