tn_1ki_text_reg/03/01.txt

1 line
565 B
Plaintext

\c 3 \v 1 Solomone a ikamanya le Faro kgosi ya Egepeto mo go tsa lenyalo. O ne a tsaya morwadia Faro a mo tsisa mo toropokgolong ya ga Tafita go fitlhelela a fetsa go aga ntlo ya gagwe, ntlo ya Modimo Yahweh, le lebota go dikologa Jerusalema. \v 2 Batho ba ne ba ntshetsa ditlhabelo kwa mafelong a a fa godimo ka gore go ne go ise go agelwe leina la Modimo Yahweh ntlo. \v 3 Solomone a supa lerato la gagwe mo go Modimo Yahweh ka go tsamaya mo ditaelong tsa ga Tafita rraagwe, ntleng le gore o ne a ntshetsa ditlhabelo le go fisa maswalo kwa mafelong a a fa godimo.