tn_1ki_text_reg/08/65.txt

1 line
524 B
Plaintext

\v 65 Jalo Solomone a dira mokete ka nako eo, Iseraele otlhe a na le ene, kgobokano e kgolo, go tswa Lebo Hamatha go ya kwa motsweding wa Egepeto, fa pele ga Modimo Yahweh, Modimo wa rona ka matsatsi a supa, gape ka matsatsi a mangwe a supa, gotlhe e le matsatsi a le lesome le bone. \v 66 Mo letsatsing la borobabobedi a phatlalatsa batho, mme ba segofatsa kgosi ba ya malwapeng a bone ka dipelo tse di itumeletseng bomolemo jotlhe jo Modimo Yahweh a bo bontshitseng Tafita motlhanka wa gagwe le batho ba gagwe ba Iseraele.