tn_1ki_text_reg/07/38.txt

1 line
567 B
Plaintext

\v 38 \v 39 Hurame a dira dibeisane tsa kgotlho. Beisane e le nngwe e ne e ka tladiwa ke dinkgwana tse di masome a mane tsa metsi. Beisane nngwe le nngwe e na le boatlhamo jwa mithara phegelwana borobabobedi, mme go ne go na le beisane e le nngwe mo setolhomong sengwe le sengwe sa ditlhomo tse di lesome. O ne a dira ditlhomo tse tlhano mo letlhakoreng le le lebileng kwa borwa la tempele, a bo a dira ditlhomo tse tlhano mo letlhakoreng le le lebileng kwa bokone la tempele. O ne a baya lewatle kwa sekhutlong se kwa botlhabatsatsi, le lebile kwa borwa jwa tempele.