tn_1ki_text_reg/08/44.txt

1 line
352 B
Plaintext

\v 44 A gotwe batho ba gago ba ya ntweng kgatlhanong le mmaba, ka tsela epe e o ka ba romelang ka yone, mme a gotwe ba a go rapela, Modimo Yahweh, ba lebile kwa toropokgolong e o e kgethileng, le kwa ntlong e ke e agetseng leina la gago. \v 45 Foo reetsa dithapelo tsa bone, dikopo tsa bone, mme o thuse maikaelelo a bone go direga o le kwa magodimong.