tn_1ki_text_reg/08/29.txt

1 line
482 B
Plaintext

\v 29 A matlho a gago a nne a bulegetse ntlheng ya tempele e bosigo le motshegare, kwa lefelong le o buileng se ka lone, 'Leina la me le bolengteng jwa me di tla nna foo' - gore o tle o reetse dithapelo tse motlhanka wa gago a tla di rapelelang ntlheng ya lefelo le. \v 30 Jalo reetse kopo ya motlhanka wa gago le ya batho ba gago ba Iseraele fa re rapelela ntlheng ya lefelo le. Ee reetsa go tswa kwa lefelong le o nnang mo go lone, go tswa magodimong; mme fa o reetsa, itshwarele.