tn_1ki_text_reg/12/22.txt

1 line
475 B
Plaintext

\v 22 Mme lefoko la Modimo la tla kwa go Shemaia, monna wa Modimo; la re, \v 23 ''Bua le Rehoboame morwa Solomone, kgosi ya Juta, le ntlo yotlhe ya Juta le Benjamene, le batho botlhe; o re, \v 24 'Modimo Yahweh o bua se: le se ka la tlhasela kgotsa la lwa le barwarraalona batho ba Iseraele. Monna mongwe le mongwe a a ye gae, gonne selo se se dirilwe ke nna.''' Jalo ba reetsa lefoko la Modimo Yahweh ba boela morago ba tsamaya ka ditsela tsa bone, ba utlwa lefoko la gagwe.