tn_1ki_text_reg/02/39.txt

1 line
380 B
Plaintext

\v 39 Mme kwa bokhutlong jwa dingwaga tse 3, bangwe ba babedi ba batlhanka ba ga Shimei ba siela kwa go Akhishi morwa Maakha, kgosi ya Gathe. Jalo ba bolelela Shimei ba re, ''Bona batlhanka ba gago ba kwa Gathe.'' \v 40 Foo Shimei a nanoga, a belesa tonki ya gagwe a ya kwa go Akhishi kwa Gathe go batla batlhanka ba gagwe. A tsamaya a tla le batlhanka ba gagwe go tswa kwa Gathe.