tn_1ki_text_reg/02/01.txt

1 line
798 B
Plaintext

\c 2 \v 1 \v 2 \v 3 \v 4 Jaaka letsatsi la go swa ga ga Tafita le ne le atamela, a laela morwawe Solomone, a re, ''Ke tsamaya tsela ya lefatshe lotlhe. Thatafala, jalo he, itshupe o le monna. Tahegetsa ditaolo tsa Modimo Yahweh, Modimo wa gago, go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe, go utlwa melao ya gagwe, ditaolo tsagagwe, ditshwetso tsa gagwe, le ditaolo tsa kgolagano tsa gagwe, o etse tlhoko go dira se se kwadilweng mo molaong wa ga Moshe, gore o tle o atlege mo go sepe se o se dirang,gope kwa o yang teng, gore Modimo Yahweh a tle a diragatse lefoko la gagwe le a le buileng ka nna, a re, 'Fa barwao ba elatlhoko boitsholo jwa bone, go tsamaya fa pele ga me ka boikanyego ka pelo ya bone yotlhe le ka mowa wa bone otlhe, ga o kitla o tlhoka go nna le monna mo setilong sa bogosi sa Iseraele.'