tn_1ki_text_reg/08/41.txt

1 line
656 B
Plaintext

\v 41 Go tlatsa, mabapi le motsakwa yo e seng mongwe wa batho ba gago ba Iseraele: fa a tla a tswa kwa lefatsheng le le kgakala ka lebaka la leina la gago - \v 42 gonne ba tla utlwa ka ga leina la gago le legolo, seatla sa gago se se maatla, le letsogo la gago le le tsholetsegileng - fa a tla go rapela a lebile tempele e, \v 43 foo reetsa go tswa legodimong, go tswa lefelong le o nnang kwa go lone, mme o dire sepe se motswakwa a se go kopang. Dira se gore ditlhopha tsa batho mo lefatsheng di tle di itse leina la gago di bo di go boife, jaaka batho ba gago ba Iseraele. Dira se gore ba tle ba itse gore ntlo e ke e agileng e e bidiwa ka leina la gago.