tn_1ki_text_reg/02/36.txt

1 line
499 B
Plaintext

\v 36 Foo kgosi a roma a bitsa Shimei, mme a mo raya a re, ''Ikagele ntlo mo Jerusalema o nne foo, mme o se ka wa tswa foo go ya gope. \v 37 Gonne mo letsatsing le o tla tswang ka lone, o bo o kgabaganya mokgatsha wa Kitirone, o itse gore ammaaruri o tsile go swa. Madi a gago a tla bo a le mo tlhogong ya gago.'' \v 38 Jalo Shimei a raya kgosi a re, ''Se o se buang se molemo. Jaaka mong wa me kgosi a buile, motlhanka wa gago o tla dira jalo.'' Jalo Shimei a nna mo Jerusalema malatsi a le mantsi.