tn_1ki_text_reg/08/37.txt

1 line
492 B
Plaintext

\v 37 A gotwe go na le leuba mo lefatsheng, kgotsa a gotwe go na le bolwetse, komelelo ya matlhare kgotsa nngadube, tsie kgotsa seboko; kgotsa a gotwe mmaba o tlhasela dikgoro tsa toropokgolo mo lefatsheng la bone, kgotsa go na le leroborobo kgotsa bolwetse - \v 38 mme a gotwe foo dithapelo di rapelwa ke motho mongwe kgotsa ke batho ba gago botlhe ba Iseraele - mongwe le mongwe a itse leroborobo le le mo pelong e e leng ya gagwe jaaka a phatlalaletsa matsogo a gagwe ntlheng ya tempele e.