tn_1ki_text_reg/08/06.txt

1 line
587 B
Plaintext

\v 6 Baperesiti ba tsisa letlole la kgolagano ya Modimo Yahweh ka kwa teng, kwa lefelong la lone, mo ntlwaneng e e ka kwa teng ga ntlo, kwa lefelong le le boitshepo thata, ka fa tlase ga dicheruba. \v 7 Gonne dicheruba di ne di phuthuloletse diphuka tsa tsone kwa go bewang letlole teng, mme tsa khurumetsa letlole le dikota tse le neng le kukilwe ka tsone. \v 8 Dikota di ne di le dileele mo dintlha tsa tsone di neng di bonala go tswa kwa lefelong le le boitshepo kwa pele ga ntlwana e e ka kwa teng, mme di ne di sa bonwe go tswa ka kwa ntle. Di gone foo go fitlha mo letsatsing leno.