tn_1ki_text_reg/07/38.txt

1 line
580 B
Plaintext

\v 38 Hurame a dira dibeisane tse lesome tsa kgotlho. Beisane e le nngwe e ne e ka tladiwa ke dinkgwana tse di masome a mane tsa metsi. Beisane nngwe le nngwe e na le boatlhamo jwa mithara phegelwana borobabobedi, mme go ne go na le beisane e le nngwe mo setlhomong sengwe le sengwe sa ditlhomo tse di lesome. \v 39 O ne a dira ditlhomo tse tlhano mo letlhakoreng le le lebileng kwa borwa la tempele, a bo a dira ditlhomo tse tlhano mo letlhakoreng le le lebileng kwa bokone la tempele. O ne a baya lewatle kwa sekhutlong se se kwa botlhabatsatsi, le lebile kwa borwa jwa tempele.