tn_1ki_text_reg/05/01.txt

1 line
513 B
Plaintext

\c 5 \v 1 Hirame kgosi ya Tire a romela batlhanka ba gagwe kwa go Solomone gonne o ne a utlwile gore ba mo tloditse go nna kgosi mo boemong jwa ga rraagwe; gonne Hirame o sale a tloga a rata Tafita. \v 2 Solomone a romela lefoko kwa go Hirame a re, \v 3 ''O a itse gore Tafita rre ga a a ka a agela leina la Modimo Yahweh, Modimo wa gagwe ntlo ka ntata ya dintwa tse di neng di mo dikologile, gonne ka nako ya go tshela ga gagwe Modimo Yahweh o ne a tsenya baba ba gagwe ka fa tlase ga bogato jwa dinao tsa gagwe.