tn_1ki_text_reg/04/26.txt

1 line
512 B
Plaintext

\v 26 Solomone o ne a na le matlwana a dipitse a le dikete tse masome mane tsa dikolotsana tsa gagwe tsa ntwa, le bapalami ba dipitse ba le dikete tse lesome le bobedi. \v 27 Badiri bao ba ne ba tlamela kgosi Solomone le botlhe ba ba neng ba tla fa tafoleng ya ga kgosi Solomone ka dijo, monna mongwe le mongwe ka kgwedi e e mo lebanyeng. Ba ne ba letlelele sepe go tlhaela. \v 28 Ba ne ba tsisetsa dipitse tsa dikolotsana tsa ntwa le tse di palangwang bali le letlhaka, mongwe le mongwe a tsisa mo a go kgonang.