tn_1ki_text_reg/18/38.txt

1 line
528 B
Plaintext

\v 38 Foo molelo wa Modimo Yahweh wa wa mme wa kometsa moneelo o o fisiwang, ga mmogo le dikgong, le matlapa, le lerole, mme wa mona metsi a a neng a le mo moseleng. \v 39 Fa batho botlhe ba bona se, ba rapama fa fatshe ka difatlhego, ba re, ''Modimo Yahweh, ke Modimo! Modimo Yahweh, ke Modimo!'' \v 40 Jalo Elija a ba raya a re, ''Tsayang baporofiti ba ga Bale. Le se ka la lesa a le mongwe wa bone go falola.'' Jalo ba ba tsaya, mme Elija a isa baporofiti ba ga Bale kwa tlase kwa mokgatsheng wa Kishone mme a ba bolaela koo.