tn_1ki_text_reg/18/27.txt

1 line
605 B
Plaintext

\v 27 Ka nako ya motshegare Elija a ba sotla, a re, ''Goelang kwa godimo! Ke modimo! Gongwe o santse a akanya, kgotsa o santse a ithoma, kgotsa o a sepela mo leetong, kgotsa gongwe o robetse o tshwanetse go tsosiwa.'' \v 28 Jalo ba goela kwa godimo, mme ba itshega ka ditshaka le digai, jaaka ba ne ba tle ba dire, go fitlhela ba tswa madi a elela mo go bone. \v 29 Motshegare wa sethoboloko wa feta, mme ba ne ba ntse ba galaotega go fitlha ka nako ya go neelwa ga setlhabelo sa maitseboa, mme go ne go sena lentswe kgotsa mongwe yo o neng a araba; go ne go sena ope yo o neng a reeditse dikopo tsa bone.